0% found this document useful (0 votes)
1K views

BUKANA YA DITHUTISO TSA 2024 GRADE 10 TERM 2 2-1-1

The document outlines a series of educational exercises and questions related to Setswana language and literature for the year 2024. It includes reading comprehension tasks, analysis of texts, and prompts for writing assignments. The content is structured into various sections, each focusing on different aspects of language use and comprehension skills.

Uploaded by

Mpho
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as DOCX, PDF, TXT or read online on Scribd
0% found this document useful (0 votes)
1K views

BUKANA YA DITHUTISO TSA 2024 GRADE 10 TERM 2 2-1-1

The document outlines a series of educational exercises and questions related to Setswana language and literature for the year 2024. It includes reading comprehension tasks, analysis of texts, and prompts for writing assignments. The content is structured into various sections, each focusing on different aspects of language use and comprehension skills.

Uploaded by

Mpho
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as DOCX, PDF, TXT or read online on Scribd
You are on page 1/ 19

BUKANA YA DITHUTISO TSA 2024

KGWEDITHARO YA 2

MOPHATO 10
THUTISO 1
POTSO1: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE
Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso:

DIPHOLO DI DULE MOITHUTI: P. M. Sebate

1 Dipholo di tswa o lelela go falola


2 O lebala tsheetshee o mo tshematshemileng
3 Dipampiri ke tsele ipatle o itlhoboge

4 Bangwe ke bale ba ipatla ba ipotsa


5 Dikeledi le diorisi di bonwa ka bontsi
6 Ditshegwana le menyenyo di natetsha selelo
7 Motlhatlheledi o sotlwa a rogwa
8 Manxa a kgwiwa a ngotlwa

9 Ke moithuti yo o neng a gana go goga


10 A lelela modikwadikwane le monakaladi
11 Gona jaanong o bopa sopeng la sekolo
12 Metsi a tshele o a lebile

13 Moithuti tlogela motlhatlheledi


14 Go thusang go hutsafalela pheilo
15 Phalolo e go ratile o sa e rate

16 O e ngadile tadi e amusa


17 Wa e hutsa wa ikanya mana
18 Ke ao a sikare o a momone
19 O thwantshe loleme ka monatsana wa tatso

20 Rotla o roromise dithaba


21 Gongwe bagoutlwi ga se bonthorogwane
22 Ba rongwa ba boa ka diamaramara

23 Ba ka upa botubi, batho ba tuulala


24 Le wena wa balelwa baneng ba batho.

DIPOTSO

1.1 Ke eng se mmoki a se toutang mo lebokong le? (2)


1.2 Ke maikutlo afe a a tlhagisiwang ke mmoki mo lebokong le? (2)
1.3 Tlhalosa mola 2 jaaka o tlhagisitswe mo lebokong? (2)
1.4 Neela morumo wa temana 3. (2)
1.5 Ke eng se o se ithutileng mo lebokong le? (2)
[10]
THUTISO 2: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso:

BOJALWA : E. M. KHUNOANE

1 Selo k’wena o sethubaki e le ruri,


2 Ke malapa a le kae a o a thubileng?
3 Gonne mme le rre ga ba tlho’ ba utlwana.
4 Bana ba latlhegetswe ke ‘rato lwa botsadi.
5 Ana metse ya rona ke marope.

6 Borraronamogolo ba ne ba go apeelwa.
7 O ne o bidiwa dijo, mabele mabelega batho.
8 Gompieno o fetogile ‘jo tsa botlhe.
9 Gompieno o dirisiwa meletllong yotlhe.
10 Tota le mo phuphung o a dirisiwa gompieno.

11 A o tlile go thuba kgotsa go aga?


12 Ka wena bana ba fetoga dikhutsana.
13 Ga o tlhole o na le botshelo fa e se loso fela.
14 Ga o fodise pelo o a e hutsafatsa.

15 Bangwe ba iteboga ka wena fa ba amogetse.


16 Bangwe ba go rata fa ba hutsafetse.
17 Ga o tlise kgomotso fa e se khutsafalo
18 O tota o le setswerere mo go lotlhanyeng ditsala.
19 Botsala bo nyeletse ka ya puo tsa’go.

20 Ke batlotlegi ba le kae, ba ba latlhegetsweng ke maemo?


21 Ke batsadi ba le kae, ba o sentseng boswa jwa bona?
22 Ke batsadi ba le kae, ba ba latlhegetsweng ke tiro?
23 Ke baithuti ba le kae, ba ba latlhegetsweng ke thuto?
24 Kana ga go tlhole go le mogolo le ngwana.
25 Bangwe ba go bitsa coke, bangwe mabele,
26 Mabele mabelega dikhutsana, bangwe sejo sa bagolo.
27 Fela wena o sentse boikarabelo jwa ba bantsi.
28 Fela wena o latlhisitse baswa ba rona setso sa bona.
29 Gonne o senya madi, botshelo tota

30 O akeditse ba bantsi ka gore o dirilwe ke Morena.


31 Tota ga ona tlotlo, boikanyego le botshepegi bope,
32 Gonne o tla utlwa gothwe go dikotsi le dipolao,
33 O nyeletsa bangwe mafelong a beke.
34 Tseno tsotlhe di bakwa ke rato lwa’go.
DIPOTSO
1.1 Ke eng se mmoki a se toutang mo lebokong le? (2)
1.2 Ke sekapuo sefe se se renang mo lebokong le (1)
1.3 Neela morumo wa temana 2? (2)
1.4 Tlhalosa mola 8 jaaka o tlhagisitswe mo temana 2? (2)
1.5 Naya diponagalo tsa poko tse di fitlhelwang mo meleng e e latelang o bo o (2)
bue gore o di lemogile jang, o neele le mesola ya tsona:
(a) mola 4
(b) mela 21 le 22 (3)
(c) mela 22 le 23 (3)
(c) mola 23 (3)
2.6 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2)
[20]

PALOGOTLHE YA THUTISO: 27

THUTISO 3: TLHAMO YA TLHALOSO


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 400–450 ka setlhogo se:
Ditirelo tsa bommasepala mo nageng ya Aforikaborwa ke tlhobaboroko
morago ga dingwaga di le dintsi tsa kgololosego. O se ka wa lebala go thala
letlhomeso kana lenaneopaakanyo go tlhagisa setlhangwa sa ntlha le go se
runa pele o kwala sa bofelo. [50]

THUTISO 4: LEDIRILEFELEDI LE LEDIRILEFETEDI


Buisa temana e e fa tlase e mme o arabe dipotso.

1 Ditsheko o ne a sa nosane metsi le Lerue, mme ntswa pele ba ne ba


ntshana se inong. E rile tsatsi lengwe, Lerue a tswa diphafaneng, a
tlhapatsa Ditsheko mo go maswe, a mo tsola ditswalo. A mmolelela se
mmaagwe o se jeleng ka tlala. Batho ba sulafala dipelo.
Mafoko a ga Lerue a tlhaba Ditsheko jaaka lerumo. A retelelwa ke go a 5
2
itshokela. A isa Lerue diatla. A mo ikadima. E rile fa Lerue a bona gore
Ditsheko o a mo imela, a tlhanola direthe.
E rile ka letsatsi le le latelang, molao wa bona wa ya kgotla. Fa banna ba
3
ntse ba amogana mafoko, ga ema Podile. O ne a re: ‘’Lekgotlha ga le
10
tlhoe motho, le tlhoa molato. Rotlhe re itse gore Lerue ke nta ya selomela
kobong. Ga ema Molefinyana mme a tlhaba Podile ka matlho mme a re:
“Mogolole, e re o bua o tlhophe mafoko gonne tsa bana ba mpa ga di
tsenwe.
[E nopotswe go tswa mo go Setswana sa Borre: AT Malepe]
Dipotso

1.1 Kgaoganya madiri a a ntshofaditsweng go tswa mo temaneng go ya ka


madirimafeledi le madirimafetedi. [15]
1.2 Dirisa madiri a a latelang gabedi mo dipolelong jaaka madirimafeledi le
madirimafetedi:
(i) Bona
(ii) Suga
(iii) Ipetsa
(iv) Bolaya [10]
(v) Apaya
[25]

THUTISO 5: LEDIRITOTA LE LEDIRILETLHAEDI

1 Fa ke sa le ke bona tiro fa, e ne e le lwa ntlha ke iphitlhela ke tsene fa


diphaposiborobalong tsa banna ba bagaetsho. Le fa re ne re sa utlwane
fa ba bua puo ya bona ya Seswahile le Sesona, Sejatlhapi sona ba ne ba
se leka. Dekemane a re ga a tlhomamise sentle gore ke efe ya dipuo tse,
e ba e buang. Mongwe wa borre ba, rre Njende, o ne a setse a 5
intlwaeditse thata le mo maitseboeng a, o ne a ntaleditse go tla go itisa
nae.
2 Fa o tsena ka mojako o a batla go bolawa ke monkgo wa leswe. Ga ke
tlhomamise gore a ke la diaparo, dijana le dithini tse a apayang ka tsona
kampo ke la ditlhako. Mo sekhutlwaneng kwa godimo go kgabaganya 10
pale e go kgwageditsweng diaparo tse motho o sa itseng le mmala wa
tsona. Fa go se sengwe go thothobolo ya dikobo. Gaufi le dikobo go
dikotlolwana tse pedi tsa tshipi le thini e e dirisiwang jaaka pitsa ya go
apaya. Lebone le dirilwe ka thini le bo le tshelwa leokwane. Ka fa ntle le
ka fa teng ga phaposi e ga go pharologano ka go sa dilwa. 15
[E nopotswe go tswa go A ke phoso? L.J Baloyi]

Dipotso
1.1 Dirisa dikutu tsa madiri tse di latelang ‘setse’ le ‘batla’ mo polelong jaaka:
i. Lediritota
ii. Lediriletlhaedi (4)
1.2 Bopa madirimatswa ka lediri ‘bona’ jaaka:
i. Leitiri
ii. Ledirisi (2)
1.3 Lefoko ‘sejatlhapi’ le bopilwe ka dipopegopuo dife? (2)
1.4 Kwala polelo e e latelang mo tumelong.
‘Ga ke tlhomamise gore a ke la diaparo, dijana le dithini tse a apayang ka
tsona’ (2)
1.5 Nopola lesupi mo moleng wa ntlha o bo o bolele gore ke la maemo afe? (2)
1.6 Leina ‘banna’ le dirisitswe jang mo polelong e e ntshofaditsweng mo (2)
temaneng
1.7 Kwala leemedi boemong jwa lefoko le le ntshofaditsweng mo polelong e e
latelang.
Lebone le dirilwe ka thini le bo le tshelwa leokwane (1)
1.8 Neela bontsi jwa lefoko ‘monkgo’. (1)
[16]

THUTISO 6: MADIRIMATSWA

1 Mmasepala mongwe mo Bokone Bophirima o duetse diranta di le dimillione di le


lesome go rrakgwebo yo o nang le dikamano tsa sepolotiki tse di popota. Rrakgwebo
yono o dueletswe tirelo e e ka bong e bonwe mahala fa go ne go ka be go dirisitswe
‘Google Maps’. Lekwalodikgang la City Press le begile fa Mmasepala wa Moses
Kotane o dueletse tirelo eno ka ntata ya gore go kgone go farologantshwa lefatshe la 5
mmasepala le la boesi. Pele ga tumalano eno, tirelo ya dimmepe ya mahala ya Google
ke yone eo e neng e dirisiwa go batlisisa ka ga mafatshe ao e leng a puso, a boesi
kgotsa a bogosi. Go begwa fa rrakgwebo yono a setse a unngwetswe ke dikopotirelo di
le mmalwa go tswa go mmasepala, go akaretsa nngwe ya boleng jwa dimillione di le
makgolo a mabedi. Tirelo eno e ne e le ya go tlamela mmasepala ka didiriswa tsa 10
‘Tshedimosetso le Tlhaeletsano’. Le fa go ntse go na le tiriso e e sokameng ya tiriso ya
madi a puso mo porofenseng ya Bokone Bophirima, se se gakgamatsang ka kgetsi
eno ke gore rrakgwebo yono go na le metlhala ya gore o kile a latofadiwa mo melatong
mengwe eo e farologaneng.

2 Mail & Guardian e begile fa moeka a latofaditswe ka go tsietsa setheo sa SARS ka 15


ngwaga wa 2018 kwa kgotlatshekelo ya tsa kgweebo kwa Tshwane. O ne a newa
kotlhao e e sekegilweng morago ga gore a itirele boikuelo jwa gore a duele R843,080
mo ntlheng ya botlolomolao jwa gagwe. Mo letlhakoreng le lengwe diHawks di
tsweletse pele ka dipatlisiso tsa kgetse ya tiriso e e sokameng ya madi eo e amanang
le kgwebo ya gagwe eo e amogetseng R234-dimillione ya go tlamela mmasepala ka 20
didirisiwa tsa tlhaeletsano le tsa maano a tlhabololo le go runa dibukana tsa madi. Go
ya ka setheo sa Matlole sa Naga kgwebo ya moeka e duetswe madi a a kana ka
diporosente di le masome a supa malatsi a le supa morago ga gore tumalano e
saeniwe. Seno se raya gore go na le kgonagalo ya gore masepala a ka se bone thuso
ka ditirelo tseo go dumalanweng ka tsona. 25

3 Setheo sa Hawks se kaile fa go na le ditatofatso tsa gore mmasepala ga a bapatsa


kopotirelo ka nako eo e beilweng. Mmasepala o bapaditse papatso malatsi a le
sometharo, go na le a le masometharo go ya ka molao. Borrakgwebo ba dikopotirelo
ba le bararo ba jelwe sebete. Rrakgwebo yono o tshwaragane gape le ntwa ya
semolao le Lefapha la Ditirelo Selegae malebana le gore o tshwerwe ka 30
Lokwaloitshupo leo le seng ka fa molaong ka ntlha ya gore ke moagi wa naga ya
Zimbabwe. Dikamano tsa sepolotiki tsa gagwe le naga ya gagwe ya tsalo di kaya gore
o nnile le kamano mo go thuseng Moporesidente Emmerson Mnangagwa morago ga
gore a lelekwe ke Rre Robert Mugabe. Rrakgwebo yono go begwa gape gore o na le
dikamano tse di popota le matona mo Mmasepaleng–wa -Selegae wa Moses Kotane. 35
[ Go tswa go: Times Live, 13 Motsheganong 2021]
DIPOTSO

1.1 Bopa madirimatswa a a latelang ka lediri ‘tlamela’.

I. Ledirani
Ii. Lediregi
iii.Leboeletsi
iv.Lediraki (4)
1.2 Bopa polelo o dirisa lesupi ‘leo’ (mola 30) go gatelela leina mo polelong. (2)
1.3 Naya makaelagongwe a mareo a a latelang:
i. Bapatsa
ii. Popota (2)
1.4 Go kaiwa eng ka tlhagiso e ‘Borrakgwebo ba le bararo ba jelwe sebete’? (2)
1.5 Bopa leinaletswa o dirisa kutu ya lediri ‘runa’ o bo le dirise mo polelong (2)
1.6 Leina la mmasepala le le umakilweng mo temaneng ke lefe? (2)
1.7 Bopa polelo o dirisa leina ‘Setheo’ jaaka:
(i) Tlhalosi ya sediriso. (2)
(ii) Sediri sa polelo (2)
1.8 Go tsena sekolo le go rutega ka kakaretso ga baagi go ka thusa puso ka ga
tlamelo ya ditirelo e e tlhamaletseng. Dumela kgotsa o ganetse ntlha eno ka lebaka
le le utlwalang. (2)
[20]

POTSO 7: POTSO YA TLHAMO


Buisa leboko le le latelang, mme morago o kwale tlhamo e mo go yona o bontshang
ka moo mmoki a atlegileng go mothofatsa Bojalwa ka gona. Boleele jwa tlhamo e nne
mafoko a a ka nnang 200-250. [10]

BOJALWA – Khunoane EM

1 Selo k’ wena o sethubaki e le ruri,


2 Ke malapa a le kae a o a thubileng?
3 Gonne mme le rre ga ba tlho’ ba utlwana.
4 Bana ba latlhegetswe ke ‘rato lwa batsadi.
5 Ana metse ya rona marope.

6 Borraronamogolo ba ne ba go apeelwa.
7 O ne o bidiwa dijo, mabele mabelega batho.
8 Gompieno o fetogile ‘jo tsa botlhe.
9 Gompieno o dirisiwa meletlong yotlhe.
10 Tota le mo phuphung wa dirisiwa gompieno.

11 A o tlile go thuba kgotsa go aga?


12 Ka wena bana ba fetoga dikhutsana.
13 Ga o tlhole o na le botshelo fa e se loso fela.
14 Ga o fodise pelo o a e hutsafatsa.
15 Bangwe ba iteboga ka wena fa ba amogetse,
16 Bangwe bona ba go rata fa ba hutsafetse.
17 Ga o tlise kgomotso fa e se khutsafalo.
18 O tota o le setswerere mo go lotlhanyeng ditsala.
19 Botsala bo nyeletse ka ntlha ya puo tsa ‘go.

20 Ke batlotlegi ba le kae, ba ba latlhegetsweng ke maemo?


21 Ke batsadi ba le kae, ba o sentseng boswa jwa bona?
22 Ke batsadi ba le kae, bao ba latlhegetsweng ke tiro?
23 Ke baithuti ba le kae, bao ba latlhegetsweng ke thuto?
24 Kana ga go tlhole go le mogolo le ngwana.

25 Bangwe ba go bitsa coke, bangwe mabele,


26 Mabele mabelega dikhutsana, bangwe sejo sa bagolo.
27 Fela wena o sentse boikarabelo jwa ba bantsi.
28 Fela wena o latlhisitse baswa ba rona setso sa bona.
29 Gonne o senya madi, botshelo jwa tota.

30 O akeditse ba bantsi ka gore o dirilwe ke Morena,


31 Tota ga o na tlotlo, boikanyego le botshepegi bope,
32 Gonne o tla utlwa gothwe go dikotsi le dipolao,
33 O nyeletsa bangwe mafelong a beke.
34 Tseno tsotlhe di bakwa ke rato lwa ‘go

THUTISO 8

POTSO 1: DIPOTSOKHUTSHWANE TSA LEBOKO

Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso tse di latelang:

MOTLAPA – Lenkoe AK

1 Ntlholle motlhodi wa ting kwa ga maseperepere


2 Ke kgone go le sokela mosoko
3 Botshelo ke wena go mo natefela
4 Mphe mphe o a lapisa
5 Metlapa e tshwanetswe ke tsa yona.

6 Phaletshe e tletse ka ntlo go apeela bana


7 Metsi a tletse ka lefatshe go tlhatswetsa bana
8 Fa ba tswa dikolong
9 Melomo e omile jaaka sekaka.

10 E re fa a tshwerwe ke tlala
11 A leke tlala ka boroko
12 Motlapa e ya tshoswaneng
13 O tle o bone mekgwa ya yona
Tṧheleteng gona wa ithoma
14 Ga a tlapafele gope
15 Sokologa o bone Morena wena o tlafetseng
16 Gonne puso ya Modimo e atametse
17 Jehofa ena ga a latlhe ope
18 Tlapafala mme o lemoge tiro tsa lefatshe
19 Botlapa nka se tlhole ke bo rua
20 Ke tlaa leka go dira jaaka moengele dithomo tsa ga Rara.
21

DIPOTSO

1.1 Maikutlo a mmoki ke afe mabapi le motlapa? (2)


1.2 Naya sekapuo se se tlhagelelang mo moleng wa bo 9. Tlhalosa
mosola wa sona. (2)
1.3 Tlhalosa bokao jwa mela 10 le 11 jaaka bo dirisitswe mo lebokong. (2)
1.4 Neela ponagalo ya poko mo mola 19 le mosola wa yona. (2)
1.5 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2)
[12]

POTSO 2
DIPOTSOKHUTSHWANE TSA LEBOKO LE LE SA TLHAOLWANG

Buisa nopolo e e latelang, mme o arabe dipotso tse di latelang:

SELELO SA MOOPA – G.K. Setou


1 A nna khutsanyana ya moitshidi!
2 Ke leofile bo bo feng bo sa leofiweng!
3 Ke ratane le ofeng a tlotsweng ke basadi!
4 Lefatsheng batho ke dipebana ba itsetse,
5 Lefatsheng go jewa meepelwane ka bana ba maitibolo,
6 Sa me ke go tlhola ke ntshitse dimpho.

7 A nna khutsanyana ya moitshidi!


8 E tla re go twe dinong tsotlhe di na le diphuka
9 Nna ke tlaa reng batho ba bontsha diphuka
10 Ba roma bana ba bona go ba fetola diphuka
11 Baeng ba ba direla mogodungwana ka bofefo.
12 Ke tlaa nna mosetsanyana wa dipitsa go fitlha leng?

13 A nna molori dilo di sa diregeng!


14 Ke ne ke phela ka dijo tsa ditoro bonnyaneng,
15 Ke le bona le tletse baengedinyana la me lapa,
16 Ke nona pelo ka mathe kgopolong ya bana
17 Ke fano ke nosinosi ka monwana,
18 Diatla di botoka di mmogo, di sebedi.

19 Ke bogologolo ke ja mokaikai go tsa borraetsho,


20
21 Ke leka sengwe le sengwe sa go ka mpha leungo,
22 Leungo le bonwang ke basadi tshupo ya bosadi.
23 Bosigong ga go ope yo o inkutlwelang,
24 Botlhe ba re ke malao a tshwenyo bobe,
Bona ba tlhokana le go ikutlwelelela la ka moso.

DIPOTSO

2.1 Maikutlo a mmoki ke afe tebang le boopa? Tshegetsa karabo ya gago


ka lebaka. (2)
2.2 Naya ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo moleng 4 le 5 o bo o
bolele gore o e bone jang. (2)
2.3 Tlhalosa bokao jwa mela 9 le 10 jaaka bo dirisitswe mo lebokong. (2)
2.4 Naya ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo moleng wa 10 le mosola
wa yona. (2)
2.5 Naya ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo mola 15 le mosola wa
yona. (2)
2.6 Ke ponagalo efe ya poko e e dirisitsweng mo mola 17 le mosola wa
yona. (2)
2.7 Naya ponagalo e e tlhagelelang mo meleng 20 le 21 mme o bontshe
gore o e bone jang? (2)
2.8 Go ja mokaikai ke go dira eng? (2)
2.9 Tlhalosa lereo le moopa. (2)
2.10 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2)
[20]

Thutiso 9: Potso ya tlhamo le dipotsokhutshwane tsa leboko la Tshwanologo-


ithulaganyetseng lekwalopotso bagaetsho.

THUTISO 10: TEKATLHALOGANYO LE SETSHWANTSHO

1.1 Buisa temana e e latelang mme o arabe dipotso.

SETLHANGWA A (TEMANA)

1 A o kile wa utlwa mongwe a ngongorega ka gore botshelo ke kgengwe? Ga ke


bone kgoro epe ya botso, ga go sepe se nka se dirang go tokafatsa botshelo. Go
botoka fa ke ne ke iketse boya-batho. Fa karabo ya gago e le “Ee”, seno ke
matshwaotsiboso a gore motho o na le dikakanyo tsa go tsaya botshelo jwa
gagwe. Makasine wa Move o buile le moitseanape wa tsa pholo, Thokozane 5
Chiloane.
2
Go ipolaya ga go tlhaole. Batho ba bong jo bo farologaneng, dingwaga tse di
farologaneng le ditso tse di farologaneng ba mo mathateng a go ka nna le
dikakanyo tsa go tsaya matshelo a bona. Le fa go ipolaya go tsewa jaaka
sebakwasegolo sa dintsho, go kgonwa go ka thibelwa. Go bontshitswe jalo gore 10
batho ba ba akanyang ka go ipolaya sentlesentle ga ba batle go swa, ba bona fela
mokgwa o e ka nna ona tharabololo ya mathata a bona.
3
Batho ba bantsi ba ba tsayang matshelo a bona, ba a bo ba feletswe ke tsholofelo
le thata, ba ikutlwa ba se na boleng mme ba ikutlwa go se ope yo o ka ba
tshologang mokgosi ka ga se ba tlhabaganeng le sona. Ka ntlha ya se, ba se 15
itshwenye ka gope go tsaya dikgato go rarabolola mathata a bona.Se, se dira gore
ba ikutlwe ba imetswe ke mathata a ba lebaganeng le ona.Thokozane a re batho
ba ba kileng ba lebagana le dikgwetlho tse dintsi tsa botshelo, gantsi ke bona ba
ba akanyang go ikisa boya-batho.
4
Go ya ka Thokozane, dilo di tshwana le go tlhokafalelwa ke yo o gaufi le pelo ya 20
gago, go felelwa ke tiro le dikoloto di ka dira gore motho a akanye ka go ipolaya.
A re ka dinako dingwe, batho ba ba sotlakakakilweng ka thobalano mo maikutlong
le mo nameng kgotsa ba ba nang le bolwetse bongwe jo bo masisi ba ka tlelwa
ke dikakanyo tsa go ipolaya. A re bogolo jwa batho ba ba akanyang ka go
ipolaya ke ba ba nang la losika lo lo nang le lemorago la go leka go tsaya 25
matshelo a bona, losika lo lo nang le lemorago la go tshwenyega go go
feteletseng, kgatelelo e kgolo ya maikutlo kgotsa mathata a malwetse a
tlhaloganyo e bile ba ka nna gape le bothata jwa diritibatsi kgotsa bojalwa. Go nna
le dikakanyo tsa go ipolaya ke sengwe se se tshwanetseng go elwa tlhoko.
5
Go ya ka Thokozane, matshosetsi a farologane go ya ka dingwaga, bong le lotso. 30
Matshwaotsiboso a motho yo o akanyang ka go tsaya botshelojwa gagwe a
akaretsa go nna mo kgatelelong e kgolo ya maikutlo le go nna o sa itumela, go
nna le diphetogo mo mekgweng ya go robala, go bua kgotsa go tsamaya ka lebelo
le le sa tlwaelegang kgotsa bonya bo bo feteletseng
6
Ka gale ba bua ka loso, ba latlhegelwa ke kgatlhego mo dilong tse ba neng ba 35
tlwaetse go di dira, ba itemogela letsapa le le tseneletseng, ba etela batho kgotsa
ba a ba letsetsa go ba laela, go ikgogona, ba tswa mo malokong a lelapa kgotsa
ditsala. A re bangwe ba tlaa bua ba sa fetse ka ga go ipolaya kgotsa ba manega
maikutlo a bona mo mafaratlhatlheng a tlhaeletsano. Batho ba ba faraferweng ke
maikutlo a go ipolaya ba ka bo ba tsaya le matsapa a go baakanya merero ya 40
bona jaaka go netefatsa gore dikoloto tsotlhe tsa bona di duetswe kgotsa go fetola
lekwalo la kabo ya boswa, go reka sebolai sengwe kgotsa go kwala lekwalo la go
tsaya botshelo. Kgato ya ntlha go thusa motho yo o mo maemong a, ke go mo
kopanya le modirediloago, baitseanape ba malwetse a tlhaloganyo le maikutlo
kgotsa go mo isa tleleniking koo a ka buang le moitseanape.
7 45
Gantsi batho ga ba ba tseye tsia ba tsaya fela gore ba a bo ba batla gore ba
bonwe. Fa motho a na le bolwetse jo bo rileng, se tlhabiwe ke ditlhong go bua ka
bona gonne se, se tlaa bontsha gore o a mo kgathalela. Go bua ka ga go ipolaya,
go bontsha motho gore o a mo kgathalela, gonne fa go se na kgolagano
epe,motho yoo a ka tswelela go nna le dikakanyo tsa go tsaya botshelo jwa
gagwe.
[E rulagantswe sešwa go tswa go Move - Lwetse 2017]
DIPOTSO

1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa


D
Thokozane Chiloane ke…

D. Modirediloago
E. Mooki
F. Moitseanape wa tsa pholo
G. Ngaka ya matlho (1)
1.1.2 Neela dipuo tse di a tleng di buiwe ke batho ba ba gateletsweng ke dikakanyo
tsa go ipolaya. Neela dintlha di le PEDI fela. (2)
1.1.3 Ke ka ntlha ya eng batho go le gantsi ba sa ise dipuo tsa batho ba ba batlang
go ipolaya tlhogong? (1)
1.1.4 A ke nnete kgotsa kakanyo gore matshosetsi a go ipolaya a tshwana
gotlhelele go ya ka bong jwa batho, dingwaga le lotso? Tshegetsa karabo ya
gago ka lebaka. (2)
1.1.5 A wena o bona ‘go ipolaya’ e le tharabololo ya mathata? Tshegetsa karabo ya
gago ka lebaka. (2)
1.1.6 Ke mefuta efe ya batho e gantsi e feleletsang e atlegile mo go tseyeng
matshelo a bona? Neela mefuta e MEBEDI. (2)
1.1.7 Kwa ntle ga dipuo tse e leng dingwe tsa matshwaotsiboso, neela ditshupo tse
dingwe di le NNE tse di supang gore motho o gateletswe ke dikakanyo tsa go ipolaya.
(2)
1.1.8 Go ya ka temana, ke dikgato dife tse pedi tse batho ba ba batlang go
ipolaya ba di tsayang ka kakanyo ya go nolofaletsa ba ba salang botshelo? (2)
1.1.9 Naya mekgwa e le MEBEDI fela e o ka thusang motho yo o akanyang go tsaya
botshelo jwa gagwe ka yona. (2)
1.1.10 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore bontsi jwa batho ba ba nang le matshwaotsiboso a
go ipolaya totatota ga se gore ba batla go tsaya matshelo a bona? Tshegetsa
karabo ya gago ka lebaka. (2)
1.1.11 A go siame go bua ka ga ‘go ipolaya’ le motho yo o ka fa tlase ga kgatelelo ya go
tsaya botshelo jwa gagwe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)
SETLHANGWA B: SETSHWANTSHO

1.2.1 Naya dintlha di le PEDI tse temana le setshwantsho di farologanang ka tsona. (4)
1.2.2 Puo ya sefatlhego ya mosetsana yo o mo setshwantshong e senola maikutlo
afe? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)
1.2.3 A o ka re setshwantsho se, se sekametse mo letlhakoreng le le lengwe?
Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)

THUTISO 11 (LEBOTSI, LETLHOPHI LE LESUPI)


Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.
1 Tota ga ke itse gore ke mang yo o tlaa latelang motlhala ono wa ga Nelson
Rolihlahla Mandela. Motho yo mosweu le pelo e le ruri! Ke kwa kae kwa re ka
tshabelang teng, kwa e leng gore ga go na botsouludi, bosenyi le
botlhokotsebe? Dilo di fetogile ga jaana, ga go sa tshwana le pele. Go a
itshupa gore moeteledipele wa mmatota o tota a thuntse tlhogo. Ijaa! Jaaka 5
leng batho ba kile ba tshwana botlhe le ba pele. Go na le go leba
boammaaruri mo matlhong re ya go tlhatswega dipelo ka bomang? Ke eng se
re tshwanelang ke go se dira gore re tle re re “Ee sengwe le sengwe se ile
meriting” Go dirwe eng tlhe bathong?

2 Batho ba na le ngongorego e nosi fela e bong tlhokego ya ditiro. Ba ne ba 10


solofetse gore puso e, e ntšhwa e tlaa ba naya ditiro. Ke boobabedi fela ba ba
thapiwang. Bašwa ba sasanka fatshe lotlhe ba batlana le ditiro.

3 Puso e, e leka go fedisa lehuma le le aparetseng naga e. Se ke kgwetlho e


tona mo nageng ya rona. Botlhoki jo jwa baagi bo tshwenya puso thata. Eo
puso e ne e sa kgathalele batho bantsho. E ne e lebeletse bao fela. 15
[E nopotswe go tswa mo go ‘Lesedi’]

DIPOTSO

1.1 Lebotsi le le ntshofaditsweng mo mola 1 le dirisitswe jang mo polelong? (1)


1.2 Dirisa lebotsi kae go tswa mo mola 2 jaaka tlhalosi ya felo mo polelong e o
itlhametseng yona. (2)
1.3 Lebotsi eng mo mola 8 le dirisitswe jang mo polelong? (2)
1.4 Dirisa lebotsi le le fitlhelwang mo mola 7 mo polelong jaaka:
(a) Tlhalosi ya felo. (2)
1.5 Dirisa lebotsi ‘eng’ mo polelong jaaka sediri sa polelo. (2)
1.6 Tlhaola mefuta ya matlhophi e e mo temeng go ya ka mefuta e e latelang:
(a) Letlhophileakaretsi (1)
(b) Letlhophiletlhotlholodi (1)
1.7 Dirisa letlhophi “botlhe” jaaka letiro mo polelong e o itlhametseng yona. (2)
1.8 Lesupi “jo” ke la maemo afe? (1)
1.9 Dirisa lesupi “bao” mo polelong go gatelela leina. (2)
[16]

THUTISO 12: PAPATSO 1


Potso 1:
Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.

SESEPA SA MENO SA COLGATE


MONYEBO WA MENO A MASWEU TWAA KA BOFEFO JWA
LEGADIMA!

Ke sesepa seno fela sa meno se se go


neelang bosweu jo bo phatsimang.

SESEPA SA MENO SA COLGATE

[E nopotswe go tswa mo inthaneteng]


DIPOTSO TSA PAPATSO
1.1 Tlhopha karabo e e maleba mme o kwale palo morago o kwale A, B, C
kgotsa D.
Tlhagiso e e reng ‘monyebo wa meno a masweu twaa ka bofefo jwa
legadima’ ke puo …
A. e e digelang
B. e e gobelelang
C. e e sekametseng mo letlhakoreng le lengwe
D. e e lebelelang dilo ka letlhakore le le lengwe. (1)
1.2 Papatso e, e kwaletswe bomang? (1)
1.3 Papatso e, e lebelela dilo ka letlhakore le lengwe. Tshegetsa tlhagiso e ka
lebaka. (2)
1.4 Ke malepa afe a mararo a mmapatsi a a dirisitseng go ngoka bareki. (3)
1.5 Bolela mofuta wa thuanyi e e ntshofaditsweng mo papatsong. (1)
1.6 Nopola puo e e gobelelang go tswa mo papatsong. (2)
[10]

POTSO 2: PAPATSO 2
Sekaseka papatso e e fa tlase mme morago o arabe dipotso

SETLOLO SA BANNA SA
O TLHAPA MORIRI NIVEA

O A TLHAPA

O POMA DITEDU

SETLOLO SA
SE DIRA DITIRO DI LE THARO SE LE SENGWE BANNA SA NIVEA

SE, KE SETLOLO SE SE TLHOKWANG KE


BANNA
[E nopotswe go tswa mo inthaneteng]

DIPOTSO:

2.1 Tlhopha karabo e e maleba mme o kwale palo 2.1 morago o kwale A, B,
C kgotsa D.
Papatso e bapatsa….
A. Setlolo sa bomme sa Nivea
B. Setlolo sa batho botlhe sa Nivea
C. Setlolo sa banna sa Nivea (1)
D. Setlolo sa basimane sa Nivea
2.2 A o dumela gore papatso e e lebelela dilo ka letlhakore le lengwe?
Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)
2.3 Kuno eno e ka bolokela banna madi mo dilwaneng tsa go tlhapa.
Tshegetsa tlhagiso eno ka tshedimosetso go tswa mo papatsong. (3)
2.4 Leina ‘banna’ le wela mo mofuteng ofe wa maina? (1)
2.5 Leina ‘banna’ le dirisitswe jang mo polelong e e fa tlase?
Setlolo sa banna sa Nivea. (1)
2.6 Faa popi ya pakajaanong go tswa mo papatsong. (1)
2.7 Lokolola polelonolo e go ya ka dikarolwana tsa yona (di le tharo).
O a tlhapa. (6)
[15]

THUTISO 13

LEKWALO LA BOTSALANO

O sa tswa go utlwa gore tsala ya gago e kwa bookelong o lomilwe ke ntšwa ya phitibulu
mme e bile o latlhegetswe ke letsogo. Kwalela tsala ya gago lekwalo le ka lona o mo
gomotsang le go mo rotloetsa mo kutlobotlhoko e a leng mo go yana. Karabo e nne
boleele ba mafoko a a ka nnang 180-200 (diteng fela). O gakololwa go runa le go
tlhotlha setlhangwa sa ntlha sa gago diphoso.
[25]

THUTISO 14

POTSO 1: NGWANAKE O ROBETSE: B.D MAGOLENG

Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso.

Ngwanake o robetse - B. D. Magoleng

Ka mmona la bofelofelo,
Ka garoga pelo le letswalo;
Mmaagwe a tsewa ke sabobi;
A tentebana a idibala,
A b’a e betsaka dinko gala.

Ka swelwa ke ngwana wa botlhokwa,


Tsa se k’a nthobalela ditlhokwa;
’Ke ka ke ka ba ka le lebala
Leo letsatsi la masetlapelo,
Ya retela ke e tiisa pelo.

Ke a mmona jaaka a robetse,


Mmele otlhe ona o gatsetse.
Ao matlho ke a gago ao!
Ao, bona tlhe o didimetse!
Magodimo ruri a mmuletse!

Mong kana a sal’a nn’a boletse;


Diesele o di bofeletse.
Tlhe, motlhanka ke a go roma!
Bofolola fela, ke a bua;
Araba, Ga di kitla di bowa.
2.1 Mmoki o kaya eng ka “Ngwanake o robetse”. (2)
2.2 Maikutlo a a renang mo lebokong le, ke afe? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2)

2.3 Naya ponagalo ya poko e e dirisitsweng mo moleng 7 le mosola wa yona. (2)

2.4 Kgankgolo ya leboko le ke efe? (2)


2.5 Go ya ka wena, a moswi e ne e le mokeresete kgotsa nnyaya? Tshegetsa ka (2)
lebaka.
2.6 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2)
[13]

THUTISO 15

ATHIKELE YA MAKASINE
Kwala athikele ya Makasine e mo go yona o lemosang bana ba sekolo ka botlhokwa
jwa go tlhopha ditsala tse di siameng mo botshelong. Karabo e nne boleele ba
mafoko a a ka nnang 180-200 (diteng fela). O gakololwa go runa le go tlhotlha
setlhangwa sa ntlha sa gago diphoso. [25]

THUTISO 16 (LETLHAODI, LETLHALOSI LE LELATLHELWA)

Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.

Bathong! Rra o bo o reng gompieno. E ka re, re go tlhokometse jaana, waabo o


akanya ka manyalo. Rra! Nna tota ke swabile nko go feta molomo. Ke bona fa mme
yoo, o tla tlisa dintwa mo lelapeng la kagiso, tse mme a di diretseng ka thata.
Banaka setse ke tsere tshweetso. Lenyalo le a ketekwa. Ee! Dikuku tsa nna monate,
lenyalo la nna boima. Ka ntate a ntsetse! Gompieno re tlholetswe. Mo mosong e rile 5
Thabang a batla go bua le rraagwe, Maithufi a mo ganela, a galefa. Tshaba! Sinoga
ke batla go bua le rre, e seng le wena. Banaka se direng jalo. Rralona o nthatile. O
nnyetse. Heela! Ausi o a ntia.

Ke tshwanetse go bua le ba bagolo gore ba tle ditherisanong. Ba losika ba seka ba


tla ka tse dikgolo ba kopa magadi a mantsi. E setse e le dingwaga di le lesome re 10
ratana re ntshana se se mo inong.

Jaanong banake ke batla lo itse gore batho ba bogologolo ba ne ba tsaya matsapa


thata go thusa monna go nna le lenyalo le le atlegileng gonne bagolo ba ne ba leka
go tila tlhalano ka mekgwa e le mentsi. Ba ne ba dira ditlhotlhomiso tse di
tseneletseng go fitlha ba kgotsofala sentle. Mosimane le ena o ne a sa nne 15
manganga le fa bagolo ba ne ba ka mo isa kwa godimo le kwa tlase. O ne a nna
boikobo e bile a sa ba botsolotse dipotso. O ne a itshoka go fitlha go iwa kwa
lelapeng le le bonweng.
[E nopotswe mo go “Via Afrika setswana puo ya gae”]

DIPOTSO

1.1 Neela maina a dikaralopuo/ipopegopuo tse di latelang:


(a) Bathong! (mola 1)
(b) Heela! (mola 8) (2)
1.2 Letlhaodi ‘a mantsi’ mo mola 10 le dirisitswe jang mo polelong? (1)
1.3 Tlhalosi e e thaletsweng mo mola 12 e dirisitswe jang mo polelong? (1)
1.4 Neela mefuta ya matlhalosi a a mo mola 16. (2)
1.5 Dirisa letlhalosi maloba mo polelong e o itlhametseng yona jaaka thui. (2)
1.6 Dirisa leina ‘bagolo’ mo dipolelong jaaka:
(a) Sediri sa polelo
(b) Sedirwa sa polelo
(c) Tlhalosi ya felo (6)
1.7 Dirisa malatlhelwa a a latelang mo dipolelong tse di tlhabosang.
Nxae!
Heela!
Mmalo! (6)
[20]

THUTISO 17: LEKWALO LA MARANYANE/IMEILI

Romelela mogokgo wa sekolo sa lona imeili, o ngongorege ka tlhaelo ya


didiriswa tsa metshameko mo sekolong, mo itsise fa seno se dira gore
barutwana ba se ka ba tsaya karolo mo metshamekong mme se oketsa
tiriso ya diritibatsi mo sekolong. Karabo e nne boleele ba mafoko a a ka
nnang 180-200 (diteng fela). O gakololwa go runa le go tlhotlha setlhangwa
sa ntlha sa gago diphoso. [25]

 Go tlhagisa setlhangwa sa ntlha le go se runa diphoso pele o kwala sa bofelo.


 Se lebale ditsela le mokgwa wa go kwala mofuta o wa setlhangwa.
 Tlhomama mo sebopegong se se maleba fa o kwala imeili.
 Dirisa puo e e maleba.

You might also like